Leboko la Batlokwa
Ke mmafifitshwana a go rekwa ka kgomo
Mafeta kgomo a je motho…
Ke mmafifitshwana a go rekwa ka kgomo
Mafeta kgomo a je motho…
Ke motho wa gaabo setlhaga-sa mathulwa
Wa gaabo setlhaga-sa mathulwa- a- ikonopa…
Ba ga Mmamokgatiti wa lewa
Tshwene ke naiwa mmele…
Ke kwena e ntsho ya modiana a tau fifi la Bakwena
E rre fa e tlhola maimane e eme ka maroo…
Ke barwa ntswana ya yona
Tse ke dithata tsa ga Sedibelo molelo…
Ke namane tsa tholo, Barolong
Di jang mogope di o lala…
Bana ba ga Maidi a kgatsele
Matlhapa ka Masi
Ya re go….